John 19

Jesu o atlholelwa papolo

1Mme Pilatwe a fatola mokwatla wa ga Jesu ka thupa, 2mme masole a loga serwalo sa mitlwa a se mo rwesa mo tlhogong a bo a mo apesa seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. 3Ba mo sotla ba re, “Dumela, Kgosi ya Bajuta!” Ba bo ba mo itaya ka mabole.

4Pilatwe tswela kwa ntle gape mme a raya Bajuta a re, “Ke ya go mo ntshetsa kwa ntle kwa go lona jaanong, mme legale tlhaloganyang sentle gore nna ga ke mmone molato.”

5Mme Jesu a tswela kwa ntle a rwele serwalo sa mitlwa a bile a apere seaparo se se bohibidu jo bo mokgona. Mme Pilatwe a re, “Bonang monna yo!”

6Erile fela fa ba mmona, ditlhogo tsa baperesiti le bagolwane ba Sejuta ba simolola go goa ba re, “A a bapolwe! A a bapolwe!” Pilatwe a re, “Mmapoleng lona, nna ga ke mmone molato.”

7Mme ba mo fetola ba re, “Ka melao ya rona o tshwanetse go swa gonne o ipiditse Morwa Modimo.”

8Erile fa Pilatwe a utlwa ba bua jalo, a tshoga thata go gaisa malatsi otlhe. 9A busetsa Jesu kwa kgotleng ya tshekelo a mmotsa a re, “O tswa kae?” Mme Jesu a seka a ntsha karabo epe.

10Mme Pilatwe a re, “A ga o batle go bua le nna? A ga o lemoge gore ke na le nonofo ya go go golola kgotsa go go bapola?”

11Mme Jesu a re, “O ka bo o sena nonofo epe gotlhelele mo go nna fa o ne o sa e newa e tswa kwa godimo. Mme ba ba ntlisitseng kwa go wena ba na le sebe se segolo.”

12Mme Pilatwe a leka go mo golola, mme baeteledipele ba Sejuta ba mo raya ba re, “Fa o golola monna yo, ga o tsala ya ga Kaesara. Le fa e le mang yo o ipitsang gore ke Kgosi o tlhabana le Kaesara.”

13Erile Pilatwe a utlwa mafoko a, a ntshetsa Jesu kwa ntle gape kwa go bone mme a nna mo setilong sa tshekelo mo bonnong jo bo dirilweng ka matlapa. 14E ne jaanong e ka nna motshegare wa sethoboloko pele ga letsatsi la Tlolaganyo. Mme Pilatwe a raya Bajuta a re, “Kgosi ya lona ke e!”

15Mme ba goa ba re, “A a ye koo, A a ye koo, mmapole!” Pilatwe a re, “Lwa reng? Ke bapole Kgosi ya lona? Baperesiti ba bagolo ba goa ba re, Ga re na kgosi epe fa se Kaesara.”

16Mme Pilatwe a ba neela Jesu gore a bapolwe.

Go bapolwa ga ga Jesu mo mokgorong

17Jalo Jesu lwa bofelo a tsenngwa mo diatleng tsa bone, mme a tseelwa kwa ntle ga motse, a itshikaretse mokgoro a isiwa kwa lefelong le le bidiwang “Logata.” Ka Sehebera le bidiwa “Gologotha.”

18Ba feta ba mmapola le ba bangwe teng koo ba le babedi, yo mongwe a bapolwa ka fa letsogong la gagwe la molema, yo mongwe ka fa go la moja, Jesu a le fa gare ga bone. 19Mme Pilatwe a baya sesupo fa godimo ga ga Jesu se se balegang jaana, “JESU WA NASARETHA, KGOSI YA BAJUTA.” 20Lefelo le Jesu a bapoletsweng mo go lone le ne le le gaufi le motse; mme sesupo se ne se kwadilwe ka Selatina le Segerika, gore batho ba le bantsi ba tle ba kgone go se bala.

21Mme baperesiti ba bagolo ba raya Pilatwe ba re, “Fetola sesupo mo go reng, ‘Kgosi ya Bajuta’ o se fetolele mo go reng, ‘A re ke Kgosi ya Bajuta’.”

22Pilatwe a fetola a re, “Se ke se kwadileng ke se kwadile. Se nna fela jaaka se ntse.”

23
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 19:24.
24
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 19:23-24.
Erile masole a sena go bapola Jesu, a baya diaparo tsa gagwe ka mekoanyana e le mene, mongwe le mongwe wa one masole ao a nna le seabe mo mekoanyaneng eo. Mme ba re, “Re seka ra kgagola seaparo sa gagwe,” gonne se ne se sena momeno, “A re se tsheleleng bola (mataese) gore re tle re bone gore se tsewa e mang.” Mo ga diragatsa polelo ya dikwalo e e reng, “Ba kgaogana diaparo tsa me, mme ba tshelela hempe ya me bola.”

25Se ke sone se ba se dirileng. Gaufi le mokgoro go ne go eme Marea Mma Jesu le mmangwanaagwe ebong mosadi wa ga Kelopase le Marea Magatalena. 26Erile fa Jesu a bona mmaagwe a eme foo fa thoko ga me, nna tsala ya gagwe e kgolo, a raya mmaagwe a re, “Ke morwao.” 27Nna a nthaya a re, “Ke mmago.” Mme go simolola foo ka mo tseela kwa lwapeng lwa me.

Go swa ga ga Jesu

28Jesu a itse gore sengwe le sengwe jaanong se weditswe, mme go diragatsa dikwalo a bua a re, “Ke nyorilwe.” 29Nkgwana ya mofine o o botsarara e ne e le foo, mme ngami ya inwa mo go yone ya ba ya tlhomelwa ka thupa ya mosiama mme ya tsholelediwa kwa molomong wa gagwe. 30Erile fa Jesu a sena go leka mofine ka legano, a re, “Go fedile,” mme a lepeletsa tlhogo a golola mowa wa gagwe.

31Baeteledipele ba Sejuta ba ne ba sa rate gore batho ba ba bapotsweng ba nne foo go fitlhelela letsatsi le le latelang, le e neng e le Sabata (le gone e le Sabata yo mogolo thata, gonne e ne e le Tlolaganyo) mme ba kopa Pilatwe go laola gore maoto a banna bao a rojwe go re ba swe ka bonako, le gore mebele ya bone e tle e folosiwe. 32Mme masole a tla a roba maoto a banna ba babedi ba ba bapotsweng le Jesu; 33mme erile fa ba tla kwa go ene, ba bona gore o setse a sule, mme ba seka ba roba a gagwe. 34Le fa go ntse jalo, mongwe wa masole a tlhaba lotlhakore lwa gagwe ka segai, mme madi le metsi a elela. 35Ke iponetse selo se ka matlho mme ke ntshitse polelo ya boammaaruri gore le lona lo dumele. 36
This verse is empty because in this translation its contents have been moved to form part of verse Johane 19:37.
37
In this translation, this verse contains text which in some other translations appears in verses Johane 19:36-37.
Masole a dira jaana a diragatsa seporofeso sa dikwalo se se reng, “Le fa e le lengwe la marapo a gagwe ga le na go rojwa, mme ba tlaa leba kwa go ene yo ba mo tlhabileng.”

Go fitlhwa ga ga Jesu

38Moragonyana Josefa wa Arimathea, yo a neng a le morutwa wa ga Jesu ka sephiri ka ntlha ya go boifa baeteledipele ba Sejuta, a kopa Pilatwe ka bopelokgale go mo fa tetlelelo ya go tsaya mmele wa ga Jesu; mme Pilatwe a mo raya a re o ka tswelela pele wa ya go o tsaya. Mme a ya teng a ya go o tsaya a tsamaya ka one. 39Nikodemo, monna yo a neng a kile a ya kwa go Jesu go le bosigo, a tla le ene a lere lookwane lo lo dirilweng ka mera le aloe lo lo tlhwatlhwa ya makgolo a le mabedi a dipula. 40Botlhe ka bobedi ba phutha mmele wa ga Jesu ka leloba le le telele le innwe mo ditlolong tse di nkgang monate, ka e le mokgwa wa Sejuta wa phitlho. 41Lefelo la Papolelo le ne le le gaufi le sekgwa sa ditlhare, kwa go neng go na le lebitla le lesha le le neng le ise le ke le dirisiwe. 42Mme jalo, ka ntlha ya iketleetso pele ga Sabata, le ka ntlha ya gore lebitla le ne le le gautshwane, ba mo robatsa mo go lone.
Copyright information for TsnLEF